Fri Mar 10 2017 17:13:13 GMT+0200 (South Africa Standard Time)

This commit is contained in:
jks222111 2017-03-10 17:13:13 +02:00
commit efb56dccb4
31 changed files with 66 additions and 2 deletions

1
02/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 2 \v 1 Ke tsaya gore gona le kgothalo mo go Keresete. Ke tsaya gore gona le kgomotso go tswa mo leratong la gagwe. Ke tsaya gore gona le kabelano ya Mowa. Ke tsaya gore gona le mautlwelobotlho le bopelotlhomogi. \v 2 Dirang gore boitumelo jwame bo tlale ka go akanya mo go tshwanang, lona le lorato lo lo tshwanang, lo tshwaraganye mo moweng, le na le maikaelelo a a tshwanang.

1
02/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Lo seka lwa dira sepe go tsweng mo go ikgagapeleleng kgotsa go ipelafatsang. Mme le ka boikokobetso lo tsaye ba bangwe ba le botoka gona le lona. \v 4 Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go tlhokomela e seng fela matlhoki a e leng a gagwe, mme le se eleng matlhoki a ba bangwe.

1
02/05.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 5 Akanyang ka tsela e e kaneng ene e le mo go Jeso Keresete. \v 6 O ne a nna teng mo tshwanong ya Modimo, mme ga a kaya go lekana le Modimo e le sengwe se a ka se tshegetsang. \v 7 Ka jalo, o itatotse boene. One a tsaya maemo a botlhanka. O ne a bonagala mo tshwanong ya motho. \v 8 O ne a ikokobetsa a nna kutlo go ya losong, loso lwa mokgoro.

1
02/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 Mme ke gone Modimo a mo tsholetsa thata. O ne a mo neela leina le le kwa godimo ga maina otlhe. \v 10 O dirile se gore mo leineng la ga Jeso lengole lengwe le lengwe lo tla obama , mangole a botlhe ba ba kwa legodimong le mo lefatsheeng le kafa tlase ga lefatshe. \v 11 Mme o dirile se gore loleme longwe lo longwe le bolelele fa Jeso Keresete e le Morena, mo kgalalelong ya Modimo Rara.

1
02/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Jaanong baratwa ke nna, jaaka lo le kutlo nako tsotlhe, e seng fela fa ke le teng mme gole gogolo thata fa ke seyo, direlang poloko ya lona ka poifo le ka tshisimogo. \v 13 Gonne ke Modimo yo o dirang mo go lona lotlhe go eletsa le go berekela boipelo jwa gagwe jo bo molemo.

1
02/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Dirang dilo tshotlhe lo sa ngongorege kgotsa go ganetsanya. \v 15 Itshwareng ka tsela e gore lo nne lo sena molato lo le boammaruri, bana ba Modimo ba ba senang selabe. Itshwareng ka tsela e gore le tle le phatsime jaaka lesedi mo lefatsheng mo gare ga kokomane e e boferefere le tsietso. \v 16 Tshwarang ka thata lefoko la botshelo gore ke nne le lobaka la go galalela mo letsatsing la ga Keresete. Gonne jalo ke tla itse gore ga ke a tabogela lefela kgotsa go direla mo lefeleng.

1
02/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Mme le fa ke tsholotswe jaaka moneelo mo setlhabelong le bodiredi jwa tumelo ya lona, ke a itumela, mme ke itumela le lona lotlhe. \v 18 Ka tsela e e tshwanang le lona lo a itumela,mme le itumela le nna.

1
02/19.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 19 Mme ke solofela mo go Morena Jeso go romela Timotheo kwa go lona ka bofefo. gore le nna ke kgothadiwe fa ke itse dilo ka ga lona. \v 20 Gonne ga ke na ope o sele o o nang le mokgwa o o tshwanang le wa gagwe, yo o tshwenyegileng ka lona ka boamaaruri. \v 21 Gonne ba botlhe ba batla dipoelo tse e leng tsa bone, e seng dilo tsa ga Jeso Keresete.

1
02/22.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 22 Mme lo itse se se mo tshwanetseng, ka gore jaaka ngwana a direla rraagwe, o ne a direla le nna mo mafokong a a molemo. \v 23 Ka jalo ke solofela go mo romela ka bofefo jaaka ke bona gore dilo di tla tsamaya le nna. \v 24 Mme jaana ke na le tshepo mo Moreneng gore le nna ke tla a tla ka bofefo.

1
02/25.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 25 Mme ke akanya gore botlhokwa go romela Epaforodito gape kwa go lona.Ke mokaulengwe wame, le modiri ka nna le motlhabane ka nna, le morongwa wa lona le motlhanka wa matlhoki otlhe ame. \v 26 Gonne o ne a tlhokofetse thata, mme o ne a eletsa go nna le lona lotlhe, ka gore lo utlwile gore one a lwala. \v 27 Gonne e le ruri o ne a lwala mo a neng a le gaufi le go swa. Mme Modimo o ne a mo utlwela botlhoko e seng mo go ene fela,le mo go nna, gore ke seka ka nna le bohutsana morago ga bohutsana.

1
02/28.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 28 Jaanong go botlhokwa fela thata gore ke mo romele, gore e tle e re fa lo mmona gape lo tle lo itumele mme ke tla gololosega mo go tlhobaeleng. \v 29 Amogelang Epafarodito mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo. Tlotlang batho ba ba tshwanang le ene. \v 30 Gonne e ne e le ka ga tiro ya ga Keresete gore a tle gaufi le loso. O ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng go ntirela abo a tlatsa se lo neng lo sa kgone go se ntirela mo bodireding jwa me.

1
02/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
BAFILIPI 2

1
03/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 3 \v 1 Sa bofelo bakaulegwe,itumeleng mo Moreneng.Gore ke lo kwalele dilo tse di tshwanang ga se gore ke a le tshwenya,Dilo tse di tla a le babalela. \v 2 Elang tlhoko dintsa,elang tlhoko ba ba dirang bosula,elang tlhoko ba ba rupisang. \v 3 Gonne re rupisitswe.Ke rona ba re obamang ka moya wa Modimo.Gonne ke rona ba re ipelafatsang mo go Jeso keresete,ene o o senang kgatlhego mo nameng.

1
03/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Ka jalo,le nna nka nna le kgatlhego mo nameng,fa mongwe wa lona a akanya gore o na le kgatlhego mo nameng,le nna nka nna le go fetisa. \v 5 Ke rupisitswe mo letsang la borobabobedi la batho ba Iseraele ba letso la ga Benjamene,Mohebera wa Bahebera ka go tlotla molao, Mofarasai

1
03/06.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 6 Ka tlhoafalo ke bogisitse phuthego,ka ntlha ya tshiamo ya molao,ke ne ke sena molato. \v 7 Mme dilo tsotlhe tse e neng e le poelo mo go nna ,ke di lemogile di sena mosolo ka ntlha ya ga Keresete.

1
03/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 E le ruri ,ke lemoga dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka lebaka la botswerere jwa kitso ya Morena wa me Jeso Keresete. Gonne mo go ene ke latlhile dilo tsotlhe,Ke di lemoga di le matlakala gore ke tle ke nne le poelo mo go keresete \v 9 le gore ke tle ke fitlhelwe mo go ene, ga kena tshiamo ee leng ya me go tswa mo molaong,mme ke na le tshiamo ee e leng ya tumelo mo go keresete,tshiamo ee tswang mo Modimong e itebagantse le tumelo. \v 10 Jaanong ke batla go mo itse,le maatla a tsogo ya gagwe,le kabelano ya dipogisego tsa gagwe. Ke batla go fetolwa mo tshwanong ya loso la gagwe. \v 11 Ke ka fa ke tla a itemogelang go tsoga ga ba ba suleng.

1
03/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Gase boammaaruri jwa gore ke setse ke amogetse dilo tse le gore ke setse ke feletse,mme ke dira ka thata gore ke tshware se se tshwerweng ke Keresete Jeso. \v 13 Bakaulengwe,ga ke akanye gore nna, ka bonna ke setse ke se tshwere,mme go na le selo se le sengwe,ke lebala ka se se ko morago mme ke berekela se se ko pele. \v 14 Ke tshwere ka thata gore ke tle ke tsee sekgele sa pitso ya selegodimo mo go keresete Jeso.

1
03/15.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 15 Botlhe ba rona ba ba godileng,a re akanyeng ka tsela e,fa le akanya sengwe ka pharologanyo,Modimo o tla le se senolela. \v 16 Le fa go ntse jalo,sengwe le sengwe re se fitlheletse,a re se tshwareng ka thata.

1
03/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Nnang baetsi ba me bakaulengwe,elang tlhoko ba ba tsamayang ka sekao se lonang le sone mo go rona. \v 18 Ba le bantsi ba a tsamaa ka dinao ba ke le boleletseng ka bone jaanong ke lo bolelela ka dikeledi jaaka baba ba mokgoro wa ga keresete. \v 19 Phelelo ya bone ke tshenyego, gonne modingwana wa bone ke dimpa tsa bone,boikgogomoso jwa bone bo mo teng ga ditlhong.Ba akanya ka dilo tsa se lefatshe.

1
03/20.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 20 Gonne boagedi jwa rona bo ko legodimong,ko re tla a bo re letetseng mmoloki,Morena Jeso Keresete. \v 21 O tla a fetola mmele wa rona wa se lefatshe a o dira jaaka mmele wa kgalalelo,o o dirilweng ka nonofo ya thata yagwe,go tlisa dilo tsotlhe ka fa tlase ga gagwe.

1
03/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 3

1
04/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 4 \v 1 Jalo he, bakaulengwe ba ba rategang ba ke le tlhwafaletseng, boitumelo jwa me le korone, ka tsela e, tshwarang ka thata mo Moreneng, ditsala tse di rategang. \v 2 Ke kopa Euodia, le Senthuke, nnang le mogopolo o mongwe fela mo go Morena. \v 3 E le ruri ke le tshwara jaana, badiri ka nna: thusang basadi bana. Gonne ba berekile le nna go rera efangedi le Kelemente le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo bukeng ya botshelo.

1
04/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Itumeleng mo Moreneng ka nako tsotlhe, Gape ka re, itumeleng. \v 5 A go nna bonolo ga lona go itsege mo bathong botlhe. Morena o gaufi. \v 6 Se thobaeleng ka sepe. Mme mo sengwe le sengweng ka thapelo le dikopo, ka malebo, a dikopo tsa lona di itsege ko Modimong. \v 7 Le kagiso ya modimo, e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tla tlhokomela dipelo tsa rona le dikakanyo mo go Morena Jeso.

1
04/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 Sa bofelo, bakaulengwe, sengwe le sengwe se nnete, sengwe le sengwe se se tlotlegang, sengwe le sengwe se se itshekileng, sengwe le sengwe se se rategang, sengwe le sengwe se e leng sa pego e e siameng, fa go na le se se bonokopila, fa go na le sengwe se se tshwanetseng go galalediwa, akanyang ka tse. \v 9 Dilo tse le di ithutileng gape le di amogetse, le di utlwile gape le di bone mo go nna, dirang tse. Mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.

1
04/10.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 10 Ke itumela thata mo Moreneng ka gore sa bofelo o ntshafaditse matshwenyego a gago ka nna. O ne o kile wa tshwenyega ka nna, mme go ne go sena monyetla wa go thusa. \v 11 Ga ke bue se ka go bo ke le mo letlhokong. Gonne ke ithutile go nna boikobo mo diemong tsotlhe. \v 12 Ke a itse gore go ntse jaang go humanega, le go nna le go le gontsi. Mo sengwe le sengweng le mo dilong tsotlhe ke ithutile sephiri sa go kgora le go bolawa ke tlala, le go nna le go le gontsi kana go tlhoka. \v 13 ke ka dira tsotlhe ka yo o nnonotshang.

1
04/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Le fa go ntse jalo, le dirile sentle go arologana le nna mo botlhateng jwa me. \v 15 Le lona la itse, lona Bafilipo, gore ko tshimologong ya lefoko, fa ke ne ke tswa ko Maketonia, ga go epe kereke e e neng e nthotoetsa mo kganyeng ya go neela le go amogela fa ese lona fela. \v 16 Le fa ke ne kele koThesalonika, lo ne la romela thuso mo matlhoking ame gangwe le gape. \v 17 Ga se gore ke batla mpho. Mme, ke batla leungo le le oketsang mabolokelo a lona.

1
04/18.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 18 Ke amogetse dilo tsotlhe, mme ke na le mo gontsi. Ke tladitswe. ke amogetse go tswa ko go Epaferodito dilo tse di tswang ko go lona. Ke lenko le le monate, le setlhabelo se se amogelesegang se itumedisang modimo. \v 19 Mme modimo o tla re abela tsotlhe tse re di tlhokang ka fa khumong ya gagwe, mo kgalalelong e e mo go Keresete Jeso. \v 20 Jaanong mo Modimong le rraarona go isiwe kgalalelo go ya bosakhutling. Amen

1
04/21.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 21 Dumedisang badumedi botlhe mo go Keresete Jeso, bakaulengwe ba ba nang le nna ba a le dumedisa, \v 22 Badumedi botlhe ba dumedisa, bogolo jaang ba ntlo ya ga Kaisara. \v 23 A mautlwelo botlhoko a Morena Jeso Keresete a nne le mowa wa lona.

1
04/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 4

1
front/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Bafilipo

View File

@ -34,7 +34,11 @@
"parent_draft": {},
"translators": [
"Gopolang Mmereki",
"john"
"john",
"Ookeditse Maseko",
"Kagelelo Mokgosi",
"Mmotlana Emelang",
"Philip McMahon"
],
"finished_chunks": [
"01-title",
@ -48,6 +52,36 @@
"01-20",
"01-22",
"01-25",
"01-28"
"01-28",
"front-title",
"02-title",
"02-01",
"02-03",
"02-05",
"02-09",
"02-12",
"02-14",
"02-17",
"02-19",
"02-22",
"02-25",
"02-28",
"03-title",
"03-01",
"03-04",
"03-06",
"03-08",
"03-12",
"03-15",
"03-17",
"03-20",
"04-title",
"04-01",
"04-04",
"04-08",
"04-10",
"04-14",
"04-18",
"04-21"
]
}