tn_2co_text_reg/07/08.txt

1 line
550 B
Plaintext

\v 8 Le fa lekwalo lame le le utlwisitse botlhoko, ga ke le ikotlhaele, Mme ke a ikotlhaya fa ke bona gore lekwalo lame le le utlwisa botlhoko. Lone lo utlwile botlhoko ka lobakanyana. \v 9 Jaana ke a itumela, e seng ka gore lo mo pitlaganong, mme ka gore kutlobotlhoko ya lona e lo dirile gore lo ikwatlhae. Lo itemogetse kutlhobotlhoko ya bo Modimo, ka jalo ga lo a latlhegelwa ke sepe ka ntlha ya rona. \v 10 Gonne kutlhoboko ya bo Modimo e tlisa boikwatlhao bo bo tlisang poloko go sena molato. Kutlobotlhoko ya selefatshe e tlisa se e leng loso.