tn_2co_text_reg/06/04.txt

1 line
561 B
Plaintext

\v 4 Boemong, re itshupile ka ditiro tsotlhe, gore re batlhanka ba Modimo. Re batlhanka ba gagwe mo boitshokong, pogisegong, bofutsaneng, pitlaganong, \v 5 dipetsong, bogolegweng, ditshupegetsong kgatlhanong le rona, mo go berekeng ka thata, mo go tlhokeng boroko, mo tlaleng, \v 6 mo go itshekeng, mo kitsong, mo bo peloteleleng, mo bo pelonoming, mo moweng yo o Boitshepo, le mo loratong la boammaruri. \v 7 Re batlhanka ba gagwe mo lefokong la boammaruri, le mo maatleng a Modimo. Re na le ditlhabani tsa tshiamo tsa letsogo la moja le tsa letsogo la molema.