tn_1co_text_reg/12/21.txt

1 line
561 B
Plaintext

\v 21 Leitlho ga le ka ke la raya seatla le re "ga ke go tlhoke." Le tlhogo ga e reye lonao e re "ga ke go tlhoke." \v 22 Mme dikarolo tsa mmele tse di lebegang di le bokoa di a tlhokagala, \v 23 le dikarolo tsa mmele tse re akanyang gore ga di tlotlege thata, re di neela tlotla e kgolo, le dikarolo tsa rona tse di sa lebegeng, di na le seriti se se ntsi. \v 24 Jaanong dikarolo tsa rona tse di lebegang ga di tlhoke go fiwa seriti, ka gore di setse di na le seriti. Mme Modimo o kopantse dikarolo tsotlhe mmogo, mme o file tse di sa tlotlegeng tlotla e ntsi.