tn_1co_text_reg/08/04.txt

1 line
547 B
Plaintext

\v 4 Mme ka go ja dijo tse di diretsweng medingwana ya disetwa- re itse gore "modingwana wa disetwa mo lefatsheng le ga se sepe" le gore "ga gona Modimo ope kwa ntleng ga ene a le esi." \v 5 Gonne gongwe medimo e e teng, gongwe kwa legodimong kana mo lefatsheng, fela jaaka go na le "medimo" e mentsi le "barena" ba bantsi. \v 6 Mme mo go rona, "go na le Modimo o le mongwe fela ebong Rara, go tsweng mo go ene go dilo tsotlhe, mme ka ene re a tshela, le Morena a le mongwe fela Jeso Keresete, Ka ene dilo tsotlhe di teng, le ka ene re nna teng.''