tn_1co_text_reg/14/26.txt

1 line
461 B
Plaintext

\v 26 Go latela eng jaanong, bakaulengwe? Fa le tla ga mmogo, mongwe le mongwe a na le pesalome, thuto, tshenolo, teme, kana tolokololo. Dirang tsotlhe go aga kereke. \v 27 Fa ope fela a bua ka teme, a go nne ba le babedi (2) kana ba le bararo (3), mme mongwe le mongwe ka tatelano, yo mongwe a tolokolole se se buiwang. \v 28 Mme fa go sena yo o tolokololang, a mongwe le mongwe wa bone mo kerekeng a didimale. A mongwe le mongwe a bue ka bo ene mme le Modimo.