Thu Jul 27 2017 10:19:56 GMT+0200 (South Africa Standard Time)

This commit is contained in:
tsDesktop 2017-07-27 10:19:56 +02:00
commit be2850067a
7 changed files with 13 additions and 1 deletions

1
08/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 8 \v 1 Jaanong ka dijo tse di diretsweng medingwana ya disetwa- re itse gore "rotlhe re na le kitso." Kitso e a godisa, mme lorato le a aga. \v 2 Fa mongwe a akanya go re o itse sengwe, motho yoo ga a ise a itse ka fa a tshwanetseng go itse ka teng. \v 3 Mme fa mongwe a rata Modimo, motho yoo o itsiwe ke ene.

1
08/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Mme ka go ja dijo tse di diretsweng medingwana ya disetwa- re itse gore "modingwana wa disetwa mo lefatsheng le ga se sepe" le gore "ga gona Modimo ope kwa ntleng ga ene a le esi." \v 5 Gonne gongwe medimo e e teng, gongwe kwa legodimong kana mo lefatsheng, fela jaaka go na le "medimo" e mentsi le "barena" ba bantsi. \v 6 Mme mo go rona, "go na le Modimo o le mongwe fela ebong Rara, go tsweng mo go ene go dilo tsotlhe, mme ka ene re a tshela, le Morena a le mongwe fela Jeso Keresete, Ka ene dilo tsotlhe di teng, le ka ene re nna teng.''

1
08/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Le fa go ntse jalo, kitso e ga e mo mongwe le mongweng. Mme, bangwe pele ba kile ba obamela medingwana ya disetwa, mme ba ja dijo tse o ka re ke sengwe se se neng se tlhabetswe medingwana ya disetwa. Letswalo la bone le senyegile ka lebaka la go re ba bokoa.

1
08/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 Mme dijo ga di kake tsa re isa fa pele ga Modimo, ga re maswe maswe fa re sa je, kgotsa botoka fa re ja. \v 9 Mme le tlhokomele go re kgololesego ya lona e se ka ya nna lebaka la gore mongwe yo o bokoa mo tumelong a seka a tlhotsa. \v 10 Ka gore gongwe mongwe o ka le bona, yo o nang le kitso, le e ja dijo mo tempeleng ya medingwana ya disetwa. Ga se letswalo le le bokoa le le rotloeditseng go ja dijo tse di neetsweng medingwana ya disetwa?

1
08/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Jaanong ka lebaka la go tlhaloganya ka ga tlholego ya boammaaruri jwa medingwana ya disetwa, yo o bokoa, monnawe Jeso yo o suleng, o sentswe. \v 12 Fa o leofa kgatlhanong le bakaulengwe o bo o ronkgela letswalo la bone le le bokoa, o leofa kgatlhanong le Keresete. \v 13 Ka moo, fa dijo di dira go re mokaulengwe a thatafalelwe, ga ke kitla ke ja nama gape, gore ke seka ka dira gore mokaulengwe wame awe.

1
08/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 8

View File

@ -101,6 +101,12 @@
"05-03",
"05-06",
"05-09",
"05-11"
"05-11",
"08-title",
"08-01",
"08-04",
"08-07",
"08-08",
"08-11"
]
}